Meila ya Setswana
Go tswa goo-Lowe botshelo jwa Motswana bo ntse bo na le meila - ke gore dilo
dingwe tse di sa tshwanelwang go dirwa go twe “go a ila”. Go dumelwa gore
fa o ka dira dilo tseo, batho ba ka tsena mo mathateng mangwe a botshelo.
Dilo tsa go nna jaana ga twe ke meila. Jaanong go botlhokwa thata go itse
meila e, ka gonne e faposa batho mo diphatseng, e somarela e bo e babalela
diphologolo le dilo tsa tlholego ka kakaretso. Bogologolo go ne go itsewe meila
mme e obamelwa.
Fa go ne go kgonega, dilo di ka bo di busediwa morago, meila ya elwa tlhoko
ka e le botlhokwa mo matshelong a rona. E thusa go godisa le go aga bana.
E dira gore batho ba itshware sentle le go sisimoga dilo. Gape e rotloetsa gore
dilo di dirwe ka nako e e tshwanetseng. E thusa go somarela tikologo. Ithute
ka meila e e latelang le ditumelo tse di amanngwang le yone:
MEILA DITUMELO
Dijo tsa letlhafula di ne di jewa Go ne go dumelwa gore fa go sa nne
ke ngwana wa ntlha kana jalo, dijwalo di ka se gole sentle.
monnamogolo pele ga batho
botlhe mo lwapeng. Fa go dirwa
jalo ga twe o a bo a loma.
Letswai le ne le sa tshwanela go Go ne go twe motho o ka timela
tsena mo lwapeng bosigo. gape go ne go dumelela gore o ka
thaolola mothao wa lelwapa.
Ke moila gore matlhaku a gogwe Go ne go dumelwa gore go ka tsoga
ka nako ya letlhafula. diphefo le dipula tsa sefako.
Gape go ne go ila go ora legong Go ne go twe le a bopamisa.
la setlhare sa mokgomophatha.
Go ne go ila gore gopane/kgwathe a Go twe go ka tsoga dipula tsa
bolawe mabele a le mo tshimong. matlakadibe.
Go a ila gore poo e bolawe ka Ga twe go ka tsoga diphefo le dipula
nako ya letlhafula. tsa sefako.
Maši ga a tshwanela go tshologele Dikgomo kana dipodi di ka fusa.
mo isong.
Poo e ne e sa betswe ka mokao. Go ne go twe dikgomo di ka kgala
maši mo mabeleng gape go ne go
dumelwa gore o e dira magaolwane.
Motsetse ga a a tshwanela go tlhatswa O ka ikgaetsa kgotsa a kgaetsa ba ba tlaa
dijana. dirisang dijana tseo.
Mmaagwe o ka kgaoga lebele.
Go ne go ila gore motho a setle
lefatshe ka motshe.
Go ne go ila gore mosetsana yo o mo O ka kgaetsa borre.
setswalong a kotame setilo sa borre.
Go ne go ila gore mosetsana a tlhape O ka tloga a bona setswalo bosigo.
bosigo.
Go ne go ila go ja phologolo e e leng Motho o ka tswa mere mo mmeleng.
sereto sa motho.
Motlholagadi ga a ralale leruo. O ka le tsenya sefifi.
Metsi ga a tlolediwe ka logora kgotsa lobotana. Go ka tla pula ya matlakadibe.
Motlholagadi ga a tshwanela go tsamaya mo O ka omeletsa naga, dipula di sa ne.
letsatsing.
Kgole ga e a tshwanela go tsenngwa mo ntlong E ka tlhola gore dinoga di tsene mo ntlong.
e sa phutiwa.
Ga o a tshwanela go tsena ka sammamorago Mmago o ka kgaoga lebele.
mo ntlong.
Ga o a tshwanela go apara diaparo o di Botshelo jwa gago bo ka se ka jwa tsamaya
tlhanoletse. sentle, bo ka senyega.