PITSO YA MAFOKO GO YA KA MERAFE
Bangwato Bakgatla
Thoro Kuane
sepora Banka
mmidi mmopo
TIRISO YA DITLHAKA KANA MEDUMO MENGWE MO MAFOKONG
t,th tl,tlh
BOKONE(bangwato,bakalaka,batawana) BORWA (barolong,bahurutshe,bakgatla)
Thagola Tlhagola
Moretwa Moretlwa
Thogo Tlhogo
Ntole
Mothotho Motlhotlho
Ntwana
Thapi
Thale Tlhale
Thatola
MAKAELAGONGWE
Ke mafoko a gantsi a farologanang ka go bitswa go ya ka merafe mme fela bokao jwa
one bo tshwana.
Dikai
Bakwena Bakgatla Babirwa, Bangwato Bangwaketse,
Barolong
Kopi Bekere Komoki
Futshe Kuane Thoro Futshe
Tshwaiwa Tshotlo Seswaa Loswao
MAKWALELWAGONGWE
Ke mafoko a gantsi a kwalwang go tshwana mme bokao jwa one bo farologana.
Dikai
Lefoko Bokao
Tlhaga E e tlhagolwang (bojang)
Go nna senatla/ go bereka ka thata
Noka E e elang metsi
Karolo ya mmele
Mabele Sejwalo
Karolo ya mmele
Tshega
Tshela
Bua
Moroba Go ijesa monate
Moalolelo seruiwa se se namagadi
MADUMELAGONGWE
Ke mafoko a a tshwanang ka go a bitsa le go a kwala mme fela bokao jwa one bo
farologana.
Dikai
Lefoko Bokao
Madi A a rekang
A mmele
Tshela Go kgabaganya
Botshelo
Molora
Loleme
TIRO
Kwala mafoko a o itseng a raya selo se le sengwe le aa latelang
a. Makgomane e. Logala
b. Lengangale f. Lerole
c. Leeba g. Sekhukhu
d. Kgamelo h. Mafatlha
Bolela gore mafoko a a latelang a ka dirisiwa jang go raya dilo tse di farologaneng.
a. Tsala
b. Tlhagisa
c. Molemo
d. Thata
Bolela gore mafoko a a latelang a aka neelwa bokao bofe jo bo farologaneng
a. Bone e. Beke
b. Mme f. Nama
c. Ntlha g. Mogoma
d. Kae
MAGANETSI
Ke mafoko a a ganetsang ka bokao
Dikai
Bula – tswala
Bua – didimala
Kwala mafoko a a ganetsang a a latelang
a. Apara g. Tswhana
b. Robala h. Monna
c. Tsoga i. Ngwana
d. Bokhutlo j. Bomatla
e. Potso k. Boleele
f. Motlhofo
KGAOGANO LE TSHWARAGANO YA MAFOKO
Dikai
1. Ene/e ne
Ene ke mosetsana e seng e ne ke mosetsana
E ne e se nna e seng ene e se nna
2. Ke ne / kene
Ke ne ke bua e seng kene ke bua
3. Se na / sena
Fa e se na madi e seng fa e sena madi
Fa a sena go opela o ne a lela e seng fa a se na go opela o ne a lela
4. Gone / go ne
Katse e gone mo ntlong moo e seng katse e go ne mo ntlong moo
Go ne go tletse mo kerekeng e seng gone go tletse mo kerekeng
5. Ga twe / gatwe
Ga twe e rile e seng gatwe e rile
6. Seka / se ka
Pule o a seka kwa kgotleng e seng e seng pule o a se ka kwa kgotleng
O se ka wa ba wa ja dijo tsa batho e seng o seka wa ba wa ja dijo tsa batho
7. Ame / Same / Tsame / Bame (ke maina)
Ame ke mosetsana yo o tlhaga e seng a me ke mosetsana yo o tlhaga
A me / Sa Me / Tsa Me / Ba Me (ke marui)
Madi a me a fedile e seng madi ame a fedile
TIRO
Bolela mafoko a a kayang selo se le sengwe le a a latelang (makaelagongwe)
a. Mosima d. Nnale
b. Tlhatlhoba e. Lekoma
c. Thini
Bolela bokao jo bo senolwang ke mafoko a a latelang (makwalelwagongwe)
a. Tlhari e. Nna
b. Tsena f. Diphiri
c. Setlhogo g. Dira
d. Phala h. Lebala
Bolela gore mafoko a a latelang a ka kaya eng se se farologaneng
a. Tsebe
b. Boloka
TIRO
Kwala diele tse pedi gongwe le gongwe go supa dikarolo tsa puo tse di latelang,
Leina
Letlhalosi
Lekopanyi
Leemedi
Bolela mefuta ya dtlhaodi e le meraro o bo o kwala seele se le sengwe sa ngwe le ngwe ya
tlhaodi e o e fileng